Revelation of John 19

Bakang Modimo

1Mme morago ga mo ka utlwa loshalaba lologolo lwa batho mo legodimong ba re, “Halleluja! Go bakwe Morena! Poloko e tswa mo Modimong wa rona. Tlotlo le taolo ke tsa one o le esi; 2gonne dikatlholo tsa one di siame ebile di boammaaruri. O otlhaile seaka se segolo se se bodisitseng polao ya batlhanka ba one.”

3Ba bua gangwe le gape, ba re, “A go bakwe Morena! Mme mosi wa go fisiwa ga gagwe o ne wa tlhatloga ka bosakhutleng!”

4Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone le ditshedi tse nne ba wela fa fatshe ba obamela Modimo, o o neng o ntse mo setilong sa bogosi, ba re, “Amen! Halleluja! Go bakwe Morena!”

5Mme mo setilong sa bogosi ga tswa lentswe le le reng, “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba One, bannye le bagolo, ba ba o boifang.”

6Mme ka utlwa gape se se neng se utlwala jaaka loshalaba lwa batho ba bantsi kgotsa jaaka makhubu a lewatle a le lekgolo a phachegela mo lotshitshing kgotsa jaaka tumo e kgolo ya maru, ba re, “Go bakwe Morena. Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa. 7A re itumeleng re bo re ipele re mo tlotle; gonne lobaka lo fitlhile lwa modiro wa lonyalo lwa Kwana, mme monyadi wa gagwe o ipaakantse. 8O letleletswe go apara matsela a a phepa a masweu a a borethe.” (Letsela le le borethe le raya ditiro tse di molemo tse di dirilweng ke batho ba Modimo). 9Mme moengele a nthaya mafoko a: “Go sego ba ba laleditsweng modiro wa nyalo ya Kwana.” Mme a tlatsa a re, “Modimo ka boone o buile se.”

10Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.”

Yo o palameng Pitse e tshweu

11Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le “Boikanyego le Boammaaruri”, ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo. 12Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone. 13O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le “Lefoko la Modimo.” 14Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu.

15Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe. 16Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.”

17Mme ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a kua dinonyane ka lentswe le legolo a re, “Tlang! Phuthaganelang selalelo sa Modimo o mogolo! 18Tlang lo jeng nama ya dikgosi, le balaodi; le banna ba ba thata; ya dipitse le bapalami; le batho botlhe, ba bannye le bagolo, batlhanka le ba ba golotsweng.”

19Mme ka bona sebatana se se bosula se phuthile mebuso ya lefatshe le masole a yone go tlhabantsha yo o palameng pitse le masole a gagwe. 20Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole. 21Mme mophato otlhe wa masole wa bolawa ka chaka e e bogale e e neng e le mo molomong wa yo o palameng pitse e tshweu, le dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa kgora nama ya bone.
Copyright information for TsnLEF